LEGAL NOTICE

TLHAGISA MAIKUTLO — Mametlelelo ya Molaotlhomo wa Dikago tsa Mmasepala [B23 - 2026]

Published 23 October 2026 · Displayed until 19 November 2026

TLHAGISA MAIKUTLO — Mametlelelo ya Molaotlhomo wa Dikago tsa Mmasepala [B23 - 2026]

View full-size notice

TALETSO YA DITLHAGISO TSE DI KWADILWENG

Potfolio Komiti ya Puso Tshwaraganenelwa Merero ya Setso e laletsa baamegi le bang ba ba nang le kgatlhego go romela ditshwaelo tse di kwadilweng ka ga Mametlelelo ya Molaotlhomo wa Dikago tsa Mmasepala [B23-2026].

Motho mongwe le mongwe kgotsa mokgatlho o o eletsang go romela ditshwaelo tse di kwadilweng a ka dira jalo ka go romela tlhagiso go Motl Ng Z L Mkhize, Modulasetilo wa PK ya Puso Tshwaraganenelwa le Merero ya Setso ka tsibogelo ya: Moh Shereen Cassiem, Mokwaledi wa Komiti ka Imeile - Coalitions@parliament.gov.za.

Go kopa khophi ya Molaotlhomo le dipotso ka kakaretso, tswee tswee ikgolaganye le Moh S Cassiem mo go Coalitions@parliament.gov.za kgotsa mo go 083 709 8533.

Ditlhagisot se di kwadilweng di tshwanetse go fitlha kwa Palamenteng pele ga Labotlhano, 27 Ngwanatsele 2026 ka 16:00.

Mo tlhagisong ya gago, tswee tswee tlamelela ka leina, sefane, nomore ya mogala, le aterese ya imeile ya motho kgotsa mokgatlho o o romelang ditshwaelo.